Indabuko Yakho
Inqolobane yomlando kaZulu

 

Ama-categories

Imithi yesintu (Izincazelo nezithombe)

BaHurutse

Leboko La Bahurutshe Ba ga Mmamokgatiti wa lewa Tshwene ke naiwa mmele Makopong ga ke naiwe Ke sirelediwa ke seriba Tshwene fa di ya masimo Go eta tshwenegadi pele Rotwe a sale kwa morago A sale a di retolola Ke ne ke fudile, ka tlatsa Ka kgopiwa, ka relela, ka wa Papalo tsa ya le maritse Matlapa’ etsho a borethe

Leboko La Kgosi Sekgoma a Kgari

**Leboko La Kgosi Sekgoma a Kgari** Re epele letsholo Ramfabatho Wa ga Madieletsa wa ga Senyarelo Re ye go dika majwe a bo Phalapye Re dike mafatho a bo Taukgolo E bo phologolo di tlhajwe ka dikgotshane Tlou di tlhajwe ka dikwati Go tlhabiwe bo Malwale ba batona E re kobe di sale kwa digopong Kwa di... qhubeka ufunde »

Leboko La Bobedi La Kgosi Sekgoma Kgama II{Poko ya Bobedi}

Leboko La Bobedi La Kgosi Sekgoma Kgama II Morata Dipitse Kgosikgolo of the Bangwato lived from 1815 to 1883. Pitse e rile di gorogile di le some Di bile di tsenye mo sakeng la Ditlharapa Morwa Maameletsa o di rekile Wa ga Maameletsa o di rekile tsotlhe. O reke dipitse ngwana wa ga Kgama Batho ba ga... qhubeka ufunde »

Leboko La Kgosi Sekgoma Kgama II{Poko Ya Ntlha}

Leboko La Kgosi Sekgoma Kgama II Kgosikgolo of the Bangwato lived from 1815 to 1883. E tlhalefile, kukuma ya Maphatshwa Kwalata e e lonaka lohibidu Ga e na le bonyana le bo bonnye E ntse e tlhalefela go ditaya Ka re bonye e kgalema fa Letšhaneng E duma e gonokelela Nkeme Mokalaka Ngwako a tshaba a ... qhubeka ufunde »

Leboko La Kgosi Pilane a Phetwe

*Leboko La Kgosi Pilane a Phetwe* Ke Pilane a Malosa, Selo se mo Kopong, se mo Ditlhotlhe, Ba dintlha ba ntse ba se gwaisa, Ngwale mogolo wa bo Phekwe, Tau makunya a ga bo Phalaphala, Phologa kwa mariteng a ditshwene, E kunya e itlhaganela go aba, Ya re e fitlha fa Seditlwe, Ya bopa, ya bopa ya fitl... qhubeka ufunde »

Leboko la Kgosi Sechele 1 {Bakwena}

*Leboko la Kgosi Sechele 1* Rramokonopi wa bo Kgosidintsi O tlhotse a konopana le Poulwe E rile motshegare Poulwe a lapa Ga sala go konopa Rramokonopi Kwena, utla hutshe ya ngwana wa Leburu O bontshe babina-kgabo botshelo Batle ba tshele ka wena boo Ramogotswana Ba go thele madi a kgofa ba fete E be... qhubeka ufunde »

BaNgwaketse

**Leboko la BaNgwaketse** Ba ga mokgalo o thebe Ba ga mmila go bobela Ba ga setlhong ga se huparelwe Ba ga heyana-heya Ba ga pheshana ya moswagadi E tshwarwa ke sokwe le phela Ba ga matshaba le kgomo Matlogela temo e le sefolela Lo tshaba le kgomo lo gopotse kae?

BaNgwato

  **Leboko la BaNgwato ** Kwa Serowe ka kwa Phalatšwe, Rraboijane le Mosamo ba a itsiwe, Ka ba bokile dikgosi tsa Baphoting, Ba bokile banna boKgama le Kgamane. Ba bokile banna bo, Tshekedi, Maletamotse, Ba boka Rrasebolai, ntšwa-ya-go-latlhwa. Bao ke ba ga Mmangwato ba ga Mabiletsa, Kana ba ... qhubeka ufunde »

Bamalete

**Leboko la Bamalete** Matebele a mantsho a ga masodi a Mphela A ga selala le namane letlhakoleng Di robaroba matlhakola Di a robarobile fela di sa tla go a lala Di tsoga di gopola letlhakola lengwe Di tlhaolela nageng Namane tse di dinaka di diobe E re fa a re ‘gou’ di bo di re ‘g... qhubeka ufunde »

Baphiring

***Sereto sa Baphiring *** Diphiri tsa gaabo Kgwaile, Kgwaile wa gaabo Lekatana, Lekatana wa gaabo Ntsie, Ntsie wa gaabo Phetlhe, Dinamane tsa gaabo tlhare sa Mokwena. Mma ke lo bolelele, ba a lo tlakoba, Kana ga ba le tlakobe fela, Ba le tlakoba ba itse le se bonngagalane. Le se bonngagalane le le ... qhubeka ufunde »

error: Akuvumelekile lokho !!