Indabuko Yakho
Inqolobane yomlando kaZulu

 

Ama-categories

Imithi yesintu (Izincazelo nezithombe)

Leboko la Kgosi Sechele 1 {Bakwena}

*Leboko la Kgosi Sechele 1* Rramokonopi wa bo Kgosidintsi O tlhotse a konopana le Poulwe E rile motshegare Poulwe a lapa Ga sala go konopa Rramokonopi Kwena, utla hutshe ya ngwana wa Leburu O bontshe babina-kgabo botshelo Batle ba tshele ka wena boo Ramogotswana Ba go thele madi a kgofa ba fete E be e re dimo a sala a a ja wena wesi fela. Mosimane o manketso-nketso Yare fa lekwalo le tla le befile Le bile le le madi a batho Le ene a tloge a kwale la gagwe A le tseye a le neele Selete le Masholobotho A re, tsayang lo le ise, ke a lapisega Batho ke ba, ba a re tshwenya E kete re Barwarraabo A ga... qhubeka ufunde »

BaNgwaketse

**Leboko la BaNgwaketse** Ba ga mokgalo o thebe Ba ga mmila go bobela Ba ga setlhong ga se huparelwe Ba ga heyana-heya Ba ga pheshana ya moswagadi E tshwarwa ke sokwe le phela Ba ga matshaba le kgomo Matlogela temo e le sefolela Lo tshaba le kgomo lo gopotse kae?

BaNgwato

  **Leboko la BaNgwato ** Kwa Serowe ka kwa Phalatšwe, Rraboijane le Mosamo ba a itsiwe, Ka ba bokile dikgosi tsa Baphoting, Ba bokile banna boKgama le Kgamane. Ba bokile banna bo, Tshekedi, Maletamotse, Ba boka Rrasebolai, ntšwa-ya-go-latlhwa. Bao ke ba ga Mmangwato ba ga Mabiletsa, Kana ba ... qhubeka ufunde »

Bamalete

**Leboko la Bamalete** Matebele a mantsho a ga masodi a Mphela A ga selala le namane letlhakoleng Di robaroba matlhakola Di a robarobile fela di sa tla go a lala Di tsoga di gopola letlhakola lengwe Di tlhaolela nageng Namane tse di dinaka di diobe E re fa a re ‘gou’ di bo di re ‘g... qhubeka ufunde »

Baphiring

***Sereto sa Baphiring *** Diphiri tsa gaabo Kgwaile, Kgwaile wa gaabo Lekatana, Lekatana wa gaabo Ntsie, Ntsie wa gaabo Phetlhe, Dinamane tsa gaabo tlhare sa Mokwena. Mma ke lo bolelele, ba a lo tlakoba, Kana ga ba le tlakobe fela, Ba le tlakoba ba itse le se bonngagalane. Le se bonngagalane le le ... qhubeka ufunde »

Barolong

**LEBOKO LA BAROLONG** Ke namane ya tholo, Ke ja mogope ke o lala Ke motho wa mogogoro wa losho, Wa ga Gogomela Ke Mmina tshipi ha go le tlala, Ha go le kgora re bina tholo Tholo e e thupana thekeng, E e reng go utlwa lengolo e tlole, Go bona lerole e tlolele godimo Tholo eo e sa latelweng ka motlha... qhubeka ufunde »

Batlhaping

*Sereto sa Batlhaping* Ke Batlhaping ba ga Madi kgatsele ma tlhapa ka lobese, Ba tsaya tlhowa ba iphorola ka yone, Borra dikhunwana boo loshori lekima, Ba e reng ba bua bo ba di iketleetse fela ba tshaba go itsa motse wa Batlhaping go halala. Batheta-ntweng ba theta ba se na go bolaya Ba re nare ya ... qhubeka ufunde »

error: Akuvumelekile lokho !!