Baphiring

***Sereto sa Baphiring ***

Diphiri tsa gaabo Kgwaile,
Kgwaile wa gaabo Lekatana,
Lekatana wa gaabo Ntsie,
Ntsie wa gaabo Phetlhe,
Dinamane tsa gaabo tlhare sa Mokwena.

Mma ke lo bolelele, ba a lo tlakoba,
Kana ga ba le tlakobe fela,
Ba le tlakoba ba itse le se bonngagalane.
Le se bonngagalane le le bankge!
Lefa tota le bo lebile,
Le bo lebile jaaka phiri e gadimile lerapo.

Se itshieng mebele Mokatana,
Kana ke lona Madimako,
Mmu wa Bakwena lo o gateng setlou!
E re lo araba Bakwena le re: “Mmou! Mmou!”***

Tags:
Umbhali: Bongukholo Khumalo