Leboko La Bahurutse

Leboko La Bahurutshe

Ba ga Mmamokgatiti wa lewa
Tshwene ke naiwa mmele
Makopong ga ke naiwe
Ke sirelediwa ke seriba

Tshwene fa di ya masimo
Go eta tshwenegadi pele
Rotwe a sale kwa morago
A sale a di retolola

Ke ne ke fudile, ka tlatsa
Ka kgopiwa, ka relela, ka wa
Papalo tsa ya le maritse
Matlapa’ etsho a borethe


Tags:
Umbhali: Bongukholo Khumalo