Leboko la Barolong

Leboko la Barolong

Leboko la Barolong 

Ke namane ya tholo,

Ke ja mogope ke o lala

Ke motho wa mogogoro wa losho,

Wa ga Gogomela

Ke Mmina tshipi ha go le tlala,

Ha go le kgora re bina tholo

Tholo e e thupana thekeng,

E e reng go utlwa lengolo e tlole,

Go bona lerole e tlolele godimo

Tholo eo e sa latelweng ka motlhala,

Eo e bonwang ka bojang go thetekela.

Ke wa ga Morara-a-Noto,

Tshipi e ncho, Noto-a-Morolong.

Ntsha sehuba morolong,

Go tle go bonale kwa o tswang gone.

Ka tlhago ke tswa kwa go

Tshesebe-a-Modiboa,

Tshesebe yo o hetotseng ntlha,

Ntlha ya lerumo la segosi.

Ke tswa kwa go Setlhare-a-Monnyane,

Setlhare sa metswe e e ko teng,

E e rileng go anama ya hudusa Magoge,

Magoge le morahe wa Bakaa.

Ke tswa kwa go Nakedi-a-Masepe,

Nakedi e e bobowa bo ntlha

Ke Modiboa ke Morolong yoo binang Tshipi noto e ntsho.

Ke ana Kgomo Modimo o nko e metsi.

Malenku a marumo se gagola letoutou.

Mogodungwana o molelo.

More o fisang banna ditedu.

Ka nna nao ka tlhoka boroko.

Ka e tlhoka, kea bo tlhoka

 

 

Agee Barolong Agee!

Tags:
Umbhali: Bongukholo Khumalo