Rantao

Sereto sa Rantao**

Morwa

Ntao wa mare a majaga a Matebele

Morwa kobo ya Tau

O go tilweng kgomo e lla e okometse Lepele

E lla e okame BitsweE lla e potile Tswenyane morago

Badisa le  e Bokolotseng

Lo e Bokolotseng

Lo be lo e gogeng ka Melodi banna Ngwana wa ga le masa-masa wa moloi

O re bolelela a Matebe o aka

O re pitse di fula kwa Tlhabelang

Ngwana wa ga leropolotso le le Maoto a mane

Le Maoto matlhano le a  tabogaKa le sale le   tlhola le faloutsa  lotsatsa

Le duma jaaka ntshwe wa motsetsi le rekana felo fa go swetseng rremogolo-golwaneke ago itse

Go Matubako

Go Maoto a batho.

Ebile go Makgolela a Marumo o motho!

Mongatana.

Yo go tweng motho montsho mongaparela batho

O ne a betsa motho ka letswele a feta

A bowa a betsa o mongwe ka letswele a feta

Batho ba gagwe ba sala ba sule ba ntse dikgora

Ba sala ba sule ba ntse dithotho

Ba sala ba sule ba ntse dikgogora botlhe

Noga e ntsho ya bo  MmaMarenyane

E ntse e itoga semelemethe

E itoga semelemethe le maje a Botlo we etswa kwa mosimeng e ise etswe yotlhe

Basadi bale ba -a-Rantao ba kae

Bo Seaomeng le Maitato

Ba kae ba sa tle go mpokisa Tshwene

Ba bona tshwene e galefile Matlho a yona a talafetse

A talafetse o ka re bolele jwa noka ya kolone **

Tags:
Umbhali: Bongukholo Khumalo